Rock Painting at Tsodilo Hills, Botswana

Losika Lwa Setho
Mankind

("Thou hast created all humanity from the same stock . . .")

Wena Morena Yo O pelonomi wee!  O bopile batho botlhe ka letsopa le le lengwefela.  O laotse gore botlhe e tla nna ba lolwapa lo le longwefela.  Mo Kgotleng e e Boitshepho ya Gago, botlhe ke batlhanka ba Gago ebile losika lwa setho lotlhe lo sireleditswe mo Botshabelong jo bo Boitshepho jwa Gago; botlhe ba kopanetse fa Lobating lwa Bojelo lwa Gago lwa Bobelo jo Bogolo; botlhe ba sedifaditswe ka lesedi la Tlamelo ya Gago.

Modimo wee!  O pelonomi mo bathong botlhe, O tlametse botlhe, O sireleditse botlhe, ebile O ba abetse botshelo botlhe.  O neile mongwe le mongwe botlhale le botswerere, ebile botlhe ba nwetse mo Lewatleng la Kutlwelo-Botlhoko ya Gago.

Wena Morena Yo O pelonomi wee!  Kopanya batho botlhe.  Dira gore ditumelo di dumalane, le ditshaba di nne jaaka setshaba se le sengwefela, gore di tsaane jaaka ba lolwapa lo le longwefela, di bo di tsee lefatshe lotlhe jaaka legae le le lengwefela. A di nne mmogo ka kagisano e e lolameng.

Modimo wee!  Tsholeletsa godimo sekgele sa bongwefela jwa losika lwa setho.

Modimo wee!  Aga Kagiso e Kgolo-Bogolo.

Modimo wee!  Logaganya dipelo mmogo.

Wena Rara Yo O pelonomi, Modimo wee!  Itumedise dipelo tsa rona ka lonko lo lo monate lwa lorato lwa Gago.  Sedifatsa matlho a rona ka Lesedi la Kaelo ya Gago.  Gapa ditsebe tsa rona ka molodi wa Lefoko la Gago, O bo O re sireletse rotlhe mo Botshabelong jwa Tlamelo ya Gago.

Wena O Mothata le Mononofi, O Moitshwaredi, ebile O Yo O tlodisang ditlhaelo tsa batho matlho.

'Abdu'l-Bahá