Rock Painting at Tsodilo Hills, Botswana

Lonyalo
Marriage

(". . . this Thy servant and this Thy maidservant . . .")

A kgalalelo e nne go Wena, Modimo wa me wee!  Ammaaruri, yo, motlhanka wa Gago, le yo, mhula wa Gago, ba kopanetse fa tlase ga moruti wa kutlwelo-botlhoko ya Gago, mme ba tshwaraganye ka go rata ga Gago le bobelo jwa Gago.  Morena wee!  Ba thuse mo lefatsheng le la Gago le bogosi jo jwa Gago, O ba laolele letlhogonolo lengwe le lengwe ka bobelo jo bogolo le tshegofatso ya Gago.  Morena wee!  Ba tlhoma-mise mo botlhankeng jwa Gago, O bo O ba thuse mo tirelong ya Gago.  Ba letle go nna ditshupo tsa Leina la Gago mo lefatsheng la Gago, O bo O ba femele ka dikabelo tsa Gago tse di sa feleng mo lefatsheng le, le mo lefatsheng le le tlang.  Morena wee!  Ba lebisetsa dithapelo tsa bone kwa bogosing jwa kutlwelo-botlhoko ya Gago le pitso ya bone kwa boreneng jwa bongwefela jwa Gago.  Ammaaruri, ba nyalane ka ntlha ya boineelo jwa bone mo taolong ya Gago.  Ba dire gore ba nne ditshupo tsa kutlwano le tshwaragano ka bosakhutleng.  Ammaaruri, O Yo O Nonofo-Gotlhe, Yo O Leng-Gotlhe le Yo O Thata-Gotlhe.

'Abdu'l-Bahá