Rock Painting at Tsodilo Hills, Botswana

Maitseboa
Evening

(". . .This, Thy servant, seeketh to sleep in the shelter of Thy mercy, . . .")

Modimo wa me wee, Mong wa me, Maikaelelo a keletso ya me!  Yo, motlhanka wa Gago, o batla go robala mo pabalelong ya kutlwelo-botlhoko ya Gago, le go itapolosa fa tlase ga loobo lwa tshegofatso ya Gago, a lopa tlamelo le tshireletso ya Gago.

Ke a Go lopa, Morena wa me wee, ka leitlho la Gago le le sa robaleng, go sira matlho a me mo go boneng sepe kwa ntle ga Gago.  Nonotsha he, pono ya one gore a kgone go tlhaola ditshupo tsa Gago, a bo a bone Botlhabatsatsi jwa Tshenolo ya Gago.  Ke Wena Yo maphothophotho a ditshenolo tsa nonofo-kgolo ya Gago a roromisitseng le moko wa nonofo ka boyone.

Ga go Modimo ope fa e se Wena, O O Thata-Gotlhe, O O Gapang-Gotlhe, O O sa Ikaegeng ka sepe.

Bahá'u'lláh