Rock Painting at Tsodilo Hills, Botswana

Moso
Morning

("I have wakened in Thy shelter, . . .")

Ke tsogile mo pabalelong ya Gago, Modimo wa me wee, mme go tshwanela ene yo o batlang pabalelo eo, go tshelela mo Botshabelong jo bo Boitshepho jwa tshireletso ya Gago le mo Kagong e e Thatafaditsweng ya phemelo ya Gago.  Sedifatsa bokafateng jwa me, Morena wa me wee, ka 'kgalalelo tsa Mahube a Tshenolo ya Gago, fela jaaka O sedifaditse bokafantle jwa me ka lesedi la moso la go rata ga Gago.

Bahá'u'lláh