Rock Painting at Tsodilo Hills, Botswana

Thapelo Ya Kwa Phupung E E Boitshepho-Bogolo Ya Ga 'Abdu'l-Bahá
Tablet of Visitation of 'Abdu'l-Bahá

(Thapelo e, e senotswe ke 'Abdu'l-Bahá, e rapelwa kwa Phupung e e Boitshepho ya Gagwe ebile e ka dirisiwa gape go sele.)

Lefa e le mang yo o bokang Modimo ka thapelo e, ka boikokobetso le mogote, o tla lere boitumelo le boipelo mo pelong ya Motlhanka yo; e tla ne ekete o kopane Nae ka sebele.

One ke O O Kgalalelo-Gotlhe!

Modimo wee, Modimo wa me!  Ka boikoko-betso, ebile ke gamu-ketse dike-ledi, ke tsholeletsa mabogo kwa go Wena ka mekoko-tlelo, ke bipa sefatlhogo sa me mo loroleng lwa serepodi sa Kgoro eo ya Gago e e tlotlo-metseng go feta kitso ya barutegi le pako ya botlhe ba ba Go galaletsang.  Ka tshegofatso, leba motlhanka wa Gago yo o boingotlo, yo o maemo a kwa tlase, yo o fa lobating lwa Gago-mo lebe ka tebo ya leitlho la kutlwelo-botlhoko ya Gago, O bo O mo nwetse mo Lewatleng la tshegofatso ya Gago e e sa feleng.

Morena!  Ene ke motlhanka wa Gago yo o tlhomolang pelo, yo o senang maemo ape, a reregile, ebile a Go lopa, a le setshwarwa mo seatleng sa Gago, a Go rapela ka tlhoafalo, a baya boikanyo mo go Wena, a putsaputsa dikeledi fa pele ga sefatlhogo sa Gago, a tsholeletsa selelo sa gagwe kwa go Wena, a Go kokotlela, a re:

Morena Modimo wa me wee!  Nnaya tshegofatso ya Gago gore ke direle baratiwa ba Gago, nthatafatsa mo go Go direleng, sedifatsa phatla ya me ka lesedi la kobamelo mo kgotleng ya Gago ya boitshepho, le la thapelo e e lebisiwang kwa bogosing jwa Gago jwa maemo a a kwa godimodimo.  Nthusa gore ke ikgobalatse fa bogorogelong jwa selegodimo jwa kgoro ya Gago, O bo O nketleetse gore ke ikgaoganye le dilo tsotlhe mo tikologong ya Gago e e boitshepho.  Morena!  Nnosa mo nkgong ya boikokobetso; nkapesa seaparo sa jone, O bo O nnwetse mo lewatleng la jone.  Ntira gore ke tshwane le lorole mo tseleng ya baratiwa ba Gago, O bo O ntetle gore ke intshe setlhabelo sa lefatshe, lone le le tlotlomaditsweng ke dikgato mo tseleng ya Gago, dikgato tsa ba O ba Itlhophetseng, Morena wa Kgalalelo ya Bogodimo-dimo wee.

Motlhanka wa Gago o Go kokotlela ka thapelo e, fa mahube a a sa le fa gare ga bosigo.  Morena wee, mo nee keletso ya pelo ya gagwe!  Sedifatsa pelo ya gagwe, itumedise sehuba sa gagwe, tukisa lesedi la gagwe, gore a direle Tumelo ya Gago le batlhanka ba Gago.

Wena O Moabedi, Yo O Pelotlhomogi, Yo O Bobelo jo Bogolo jo bo Feteletseng, Yo O Tshegofatso, Yo O Kutlwelo-botlhoko, Yo O Pelonomi.

'Abdu'l-Bahá