Rock Painting at Tsodilo Hills, Botswana

Thušo
Assistance

("O Thou Whose face is the object of my adoration,. . .")

Wena, Yo sefatlhogo sa Gago e leng maikaelelo a kobamelo ya me, Yo bontle jwa Gago e leng botshabelo jo bo boitshepho jwa me, Yo bonno jwa Gago e leng kwa ke tla felelang teng, Yo pako ya Gago e leng tsholofelo ya me, Yo tlamelo ya Gago e leng mompati, Yo lorato lwa Gago e leng lone lo ntlhodileng, Yo go Go umaka e leng kgomotso ya me, Yo bogaufi Nao e leng kgatlhego ya me, Yo go nna gone ga Gago e leng keletso ya me ya botlhokwa le maikaelelo a me a magolo, ke a Go lopa gore O se nthontshe tse O di laoletseng baitlhophedwi gareng ga batlhanka ba Gago.  Nkabela he, dineo tsa lefatshe leno, le le le tlang.

Wena, ammaaruri, O Kgosi ya batho botlhe.  Ga go ope Modimo kwa ntle ga Gago, Moitshwaredi ka Dipaka Tsotlhe, O O Pelo go gaisa.

Bahá'u'lláh