Rock Painting at Tsodilo Hills, Botswana

Go Ruta
Teaching

(". . . This is a broken-winged bird . . .")

Thapelo e e latelang e tshwanetse go balwa . . . letsatsi lengwe le lengwe:

Modimo wee!  Modimo wee!  Yo ke nonyane e e robegileng lofuka mme go fofa ga gagwe go bonya thata-mo thuse gore a tle a fofele ntlheng ya bogodimodimo jwa tswelelopele le poloko, a kgabaganye bophara jwa loapi lo lo senang bokhutlo ka boipelo le boitumelo jo bo feteletseng, a opele molodi wa gagwe mo Leineng le le kwa Godimo-dimo la Gago mo dikgaolong tsotlhe, a tsitsibose ditsebe ka pitso e, a bo a phatshimise matlho ka go a bontsha ditshupo tsa kaelo ya seModimo.

Morena wee!  Ke mongwefela, ke nosi, ebile ga ke na maemo ape.  Ga go na se ke ikaegang ka sone fa e se Wena, ga go mothusi ope kwa ntle ga Gago, lefa e le mo-tshedisi ope fa e se Wena.  Ntlho-mamisa mo tirelong ya Gago, nthusa ka mephato ya baenggele ba Gago, ntira gore ke fenye mo go tswelediseng pele Lefoko la Gago, O bo O ntetle gore ke bolele botlhale jwa Gago gareng ga dibopiwa tsa Gago.  Ammaaruri, O mothusi wa ba ba bokoa ebile O mhemedi wa ba ba botlana.  Ammaaruri O Yo O Nonofo, O Yo O Thata, le Yo O sa Kgoreletsegeng.

'Abdu'l-Bahá