Rock Painting at Tsodilo Hills, Botswana

Mhula
Handmaiden

("by Thy name through which Thou turnest restlessness into tranquillity, . . .")

Ke a Go lopa, ka leina la Gago le ka lone O feto-lelang matshwenyego mo tidimalong, poifo mo itlhoma-misong, bokoa mo nonofong le tlotlologo mo kgalalelong, gore Wena, ka tshegofatso ya Gago, O tle O nthuse O bo O thuse le batlhanka ba Gago gore mmogo re tumise leina la Gago, re bolele Molaetsa wa Gago, re anamise Tumelo ya Gago, gore re bo re sale re sa tsikinngwe ke tlhaselo ya badiraditlolo lefa ele bogale jwa baheitane, Wena Yo O leng Moratiwa-Mogolo wa me wee!

Ke nna, mhula wa Gago, Morena wa me wee, yo ke utlwileng pitso ya Gago mme ka itlhaganelela kwa go Wena, ke sia ke itshaba, ka bo ka rapega pelo ya me mo go Wena.  Ke a Go lopa, Morena wa me wee, ka leina la Gago le mo go lone go duleng matlotlo otlhe a lefatshe, go ntshireletsa mo dithaelong tsa ba ba ganneng go dumela mo go Wena ebile ba latotse boammaaruri jwa Gago.

O nonofo go dira se se ratwang ke Wena.  Ammaaruri, Wena O Moitse-Gotlhe, Motlhale-Otlhe.

Bahá'u'lláh