Rock Painting at Tsodilo Hills, Botswana

Bašwi
The Departed

(". . . Abase not him whom Thou hast exalted . . .")

Kgalalelo e nne go Wena, Morena Modimo wa me wee!  Se tlotlolole ene yo O mo godisitseng ka nonofo ya bogosi jwa Gago jo bo nnetseng ruri, mme O se sutisetse kgakala le Wena ene yo O dirileng gore a tsene mo bo-tshabelong jo bo boitshepho jwa bosa-khutleng jwa Gago.  A O tla latlha, Modimo wa me wee, ene yo O mo sireledi-tseng ka Borena jwa Gago, mme a O ka kobela go sele, Keletso ya me wee, ene yo Wena O ntseng O le botshabelo jwa gagwe?  A O ka tlotlolola ene yo O mo tsholedi-tseng, kgotsa Wa lebala ene yo O mo thusitseng go Go gakologelwa?

Go galalediwa, bogolobogolo go galalediwa Wena!  Ke Wena Yo go tloga kwa tlholegong O saleng O ntse O le Kgosi ya lobopo ka kakaretso le Motsamaisi wa Ntlha wa lone, ebile O tla tswelelang, go ya bosakhutleng, go nna Morena wa dilo tsotlhe tse di bopilweng le Molaodi wa tsone.  Go galalediwa Wena, Modimo wa me wee!  Fa O ka khutlisa go utlwela batlhanka ba Gago botlhoko, ke mang he, yo o ka supang kutlwelo-botlhoko mo go bone?  Mme fa O ka gana go namola baratiwa ba Gago, ke mang yo o ka ba namolang?

Go galalediwa, go feta selekanyo go galalediwa Wena!  Mo boammaaruring jwa Gago O a sisimogwa, ebile rotlhe ammaaruri re a Go obamela; mo tshia-misong ya Gago O a bonatsega, ebile rotlhe ammaaruri re ipolela tumelo ya rona mo Boleyong jwa Gago.  Mo tshegofatsong ya Gago, Wena, ka bonnete, O a ratega.  Ga go na Modimo ope fa e se Wena, Thuso mo Diphatseng, O O Tshelang ka boOne.

Bahá'u'lláh