Rock Painting at Tsodilo Hills, Botswana

Botshelo Jwa Semowa
Spiritual Life

("Create in me a pure heart, . . .")

Bopa mo go nna pelo e e itshekileng, Modimo wa me wee, mme O ntšhafatse mo go nna maikutlo a a didimetseng, Tsholofelo ya me wee!  Ka mowa wa nonofo ntlhoma-misa mo Tseleng ya Gago, Moratiwa-Mogolo wa me wee, mme ka lesedi la kgalalelo ya Gago, ntshenolela dikgato tse di yang kwa go Wena, Wena Maikaelelo a keletso ya me wee!  Ka no-nofo ya thata ya Gago e e feteletseng, ntsholeletsa godimo kwa legodimong la boitshepho jwa Gago, Motheo wa boleng jwa me wee, mme ka phefo e e tsiditsana ya bosenang-bokhutlo jwa Gago intumedise, Wena Yo O leng Modimo wa me wee!  A melodi ya Gago e e sa khutleng e budulele tshisibalo mo go nna, Mompati wee, mme letla matlotlo a sefatlhogo sa Gago sa motlha wa tlholego go nkgolola mo go tsotlhe kwa ntle ga Gago, Mong wa me wee, a dikgang tsa tshenolo ya Botengteng jwa Gago jo bo sa senyegeng di nteretse boitumelo, Wena Yo O bonalang thata thata go feta ba ba bonalang, le Yo O fitlhegileng thata thata go feta ba ba fitlhegileng wee!

Bahá'u'lláh


("From the sweet-scented streams of Thine eternity . . .")

Nnosa, Modimo wa me wee, mo metsweding e e lonko lo monate ya bosena-bokhutlo jwa Gago, O bo O nkutlwise maungo a setlhare sa boleng jwa Gago, Tsholofelo ya me wee!  Nkhupisa, Kgalalelo ya me wee, mo meeding e e itshekileng ya lorato lwa Gago, O bo O ntetle gore ke kwae ka fa tlase ga moruti wa tlamelo ya Gago e e senang bokhutlo, Lesedi la me wee!  Dira gore mo ponong ya Gago ke kaile mo mafulong a matalana a bogaufi le Wena, Moratiwa wa me wee, O bo O dire gore ke nne ka fa letsogong la moja la setulo sa bogosi sa kutlwelo-botlhoko ya Gago, Keletso ya me wee!  Letla gore ke fokwe ke bontlhanngwe jwa phefo e e tsiditsana e e lonko lo monate ya boipelo jwa Gago, Maikaelelo a me wee, O bo O ntetle go tsena kwa bogodimodimong jwa parataese ya boleng jwa Gago, Mooba-medwi wa me wee!  Dira gore ke reetse melodi ya lephoi la bongwefela jwa Gago, Wena O O Galalelang wee, O bo O ntsitsibose ka mowa wa nonofo le thata ya Gago, Motlamedi wa me wee!  Dira gore ke tlhomame mo moweng wa lorato lwa Gago, Monamodi wa me wee, O bo O tiise dikgato tsa me mo tseleng ya go rata ga Gago, Mmopi wa me wee!  Letla gore ke nne ka bosakhutleng mo tshingwaneng ya bosasweng jwa Gago, fa pele ga sefatlhogo sa Gago, Wena Yo O kutlwelo-botlhoko mo go nna wee, O bo O mpee mo setulong sa kgalalelo ya Gago, Wena Yo O leng Mong wa me wee!  Ntsholeletsa kwa legodimong la bobelonomi jo bogolo jwa Gago, Morudisi wa me wee, O bo O nkgogele kwa Letsatsing le le Phatshimang la kaelo ya Gago, Mogapi wa pelo ya me wee!  Mpiletsa fa pele ga ditshenolo tsa mowa wa Gago o o sa bonweng, Wena Yo O leng Motheo wa boleng jwa me le Keletso ya me e Kgolo-Bogolo wee, O bo O dire gore ke boele kwa botengnyeng jwa lonko lo lo monate lwa bontle jwa Gago, jo O tla bo bonatsang, Wena Yo O leng Modimo wa me wee!

O nonofo go dira se se ratwang ke Wena.  Wena, ammaaruri, O O O Godisegileng-Bogolo, O O Kgalalelo-Gotlhe, O O kwa Godimodimo-Gotlhe.

Bahá'u'lláh


("O God!  Refresh and gladden my spirit. . . .")

Modimo wee!  Ntšhafatsa O bo O itumedise mowa wa me.  Itshekise pelo ya me.  Sedifatsa tlhalo-ganyo ya me.  Ke baya mo seatleng sa Gago tsotlhe tse di amang botshelo jwa me.  Wena O Mokaedi wa me le Botshabelo jwa me.  Ga nkitla ke tlhola ke utlwa botlhoko kgotsa ke hutsafala; ke tla tlala boitumelo le boipelo.  Modimo wee!  Ga nkitla ke tlhola ke tlalelwa; ga nkitla ke letla matshwenyego go ntlhoafatsa; ebile ga nkitla ke akanyetsa ruri ka dilo tse di bosula tsa botshelo.

Modimo wee!  Wena O nthata go gaisa ka fa nna ke ithatang ka gone.  Ke ineela mo go Wena, Morena wee.

'Abdu'l-Bahá